top of page

BOLWETSE JO BO SA LEMOTSHEGENG

Osteoporosis ke bolwetse jo bo sa lemotshegeng kapa bolwetse jwa marapo a a sa kitlanang thata ka fa teng e bile a sa nonofa. Gantsi matshwao a yone ga a bonale. Marapo a nna bokoa mo eleng gore o utlwa botlhoko, fa o thula sengwe kgotsa o wa o ka gobala. Go gobala go diragala mo lethekeng ,mo dikgopong , mokwatleng le mo lelokololong la seatla.Bolwetsi bo ka tshwara bagolo kapa le basha.

 

DIKAI TSA BOLWETSI JO BO SA LEMOTSHEGENG

  • Ditlhabi tsa mokwatla

  • Tatlhegelo ya boleele jwa mmele motsamaong ya nako

  • Mokgwa wa go ema o konegile

  • Go robega ga marapo mo go diragalago motlhofo.

 

TLHATLHOBO YA BOLWETSI

  • Dingaka di dirisa tlhatlhofo ya BMD (Bone mineral density)

  • Enetefatsa fa bolwetse jo bo sa lemotshegeng bo le teng molwetseng

  • Tlhatlhofo ya BMD e sireletsegile ebile ga e botlhoko

  • E lekanya bokete jwa marapo

Tlhatlhofo ya BMD gape e ka lemoga bokete jo bo ko tlase jwa marapo mo tshimologong ya bolwetse. E ka nna ponelopele go thusa ngaka go tlhopa kalafi e tswanetseng.

BAO BA LEGO KOTSING

  • Ba losika bao ba nago le bolwetse jono e ka ba konokono gore motho a nne kotsing

  • Bao ba dirisago melemo ya di-steroids di thibela calcium go aga marapo

  • Mo bosading, go ema ga modikologo wa go bona kgwedi go ka baka gore di-estrogen tse di sireletsang go kitlana ga marapo kafa teng di fokotsege.

  • Boima jwa mmele bo ka fokotsa calcium mo marapong

  • Go ja dijo tse ditlhaelago calcium le dibitamine D gonna le seabe gore marapo a nne bokoa

  • Go nwa bojalwa thata ebile o sa je sentle

  • Go goga motsoko go kotsi, go fokotsa go kitlana ga dimenerale mo marapong.

  • Go dirisa melemo ya di-steroids di thibela calcium go aga marapo

  • Malwetse mangwe jaaka bolwetse jwa sukiri, hyperthyroidism le coeliac aka nna le seabe gore onne le bolwetse jo bo sa lemotshegeng.

 

MATHATA A A BAKANG KE BOLWETSI JO BO SA LEMOTSHEGENG

  • Go robega ga marapo segolo bogolo mo mokwatleng, lethekeng le mangole.

  • Go robega ga letheka gantsi gobakiwa ke gowa ebile o ka golofala

  • Bogole ka ntlha ya bokoa, goba go robega marapo

  • Go nyema moko(depression)

  • Botlhoko ka gonne o robegile marapo

 

KALAFI LE TAOLO YA BOLWETSI JO BO SA LEMOTSHEGENG

  • Ngaka a ka gofa meriana ya kalafi go nnyafatsa go robega ga marapo

  • Motho o swanetse go ja dijo tse di nago le calcium

  • Calcium keengwe ya dikotla tse di botlhokwa thata go aga marapo a mmele a a nonofileng. E bolokiwa segolobogolo mo marapong.

  • Dijo tsa konokono tse neago mmele ke:

  • Calcium ke mashi, yokate, tshisi.

  • Bitamine D jaana ka ditlhatswana tse mo dithining, di-salmon

  • Potassium jaaka merogo e metala, dipeo tsa sesame le di-almond

  • Bitamine C jaaka maungo a a phepa(fruits)

  • Go nna mo letsatsing metsotso e lesometlhano(15) ka letsatsi go fokotsa kotsi ka gonne e tlhagisa diyuniti tsa di bitamine D.

  • Go ikatisa mmele go botlhokwa thata.

  • Ikgatolose gonwa bojalwa gagolo

  • Tlogela go goga motsoko

Disclaimer


The contents of this website are for informational purposes only and do not constitute medical advice; the Content is not intended to be a substitute for professional medical advice, diagnosis, or treatment.  Always seek the advice of a physician or other qualified health provider with any questions you may have regarding a medical condition. Never disregard professional medical advice or delay in seeking it because of something you have read on this website.

 

Ukuziphendulela

Okuqukethwe kule-webhusi(website) kungokwaziswa izinhloso kuphela futhi azibandakanyi iseluleko sezokwalapha,okuqukethwe akuhlosiwe ukuba kube yingxenye esikhundleni sobungcweti besiluleko sezokwelapha,ukuxilongwa,noma ukwelashwa. Njalo ufune iseluleko sodokotela noma omunye umhlinzeki wempilo oqeqeshiwe nganoma yimiphi imibuzo ungase ube nayo mayelana nesimo sezokwelapha. Ungalokothi unqabeiseluleko sezokwelapha ochwepheshe,noma ukubambezeleka ekufuneni  ngenxa yento oyifunde kule-webhusi(website).

BoitatolÔ

 

Tshedimosotlopolo ya website ena ke ho thlahisa lesedi fela, ha eme   lehatong la ngaka hoba baoki. Otlamehile ho bona ngaka hoba mooki hore ba arabe dipotso ka bolwetsi. O seke wa thlokomologa hoba wa diega go bona ngaka ka morago ga go bala website

Boikemelo 

 

Dintho tse ka hare ho website ke bakeng  sa morero ea tlhahisoleseding feela. Lula o batla keletso ho ngaka kapa mooki hore  a arabe lipotso ka maloetse. Oseke oa hlokomoloha le ho lieha ho etela ngaka ka mora ha hore o bale website

 

© 2023 by Health Window(cc) South Africa. Proudly created with Wix.com

bottom of page